Matthew 5

Ba ba segofaditsweng

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 5:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 5:1-2.
Mme ya re ka letsatsi lengwe fa bontsintsi jwa batho bo kokoana, a tlhatlogela le barutwa ba gagwe mo mhapheng wa thaba, mme a nna fa fatshe le bone a ba ruta.

3A ba raya a re, “Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone. 4Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa.

5“Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone.

6“Go sego ba ba nyoretsweng tshiamo gonne ba tlaa e bona.

7“Go sego ba ba pelontle le kutlwelobotlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.

8“Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo. 9Go sego ba ba huhulelang kagiso, gonne ba tlaa bidiwa barwa Modimo.

10“Go sego ba ba bogisediwang tshiamo, gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.

11“Fa lo kgobiwa lo bogisiwa, lo akelwa ka ntlha ya gore lo barutwa ba me, lo sego jang! 12Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa.

13“Ke lona letswai la lefatshe, mme fa lona lo latlhegelwa ke molodi go tlaa nna jang ka lefatshe? Le lona lo tlaa latlhelwa kwa ntle lo gatakwa ka dinao lo sena molemo. 14Lo lesedi la lefatshe, motse o o mo thabeng, o o phatsimang bosigo gore botlhe ba o bone. 15
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 5:16.
16
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 5:15-16.
Se fitlheng lesedi la lona! A le phatsimele botlhe; a ditiro tsa lona tse di molemo di phatsimele botlhe go di bona, gore ba tle ba galaletse Rra lona wa Legodimo.

Go tladiwa ga molao

17“Se tlhokeng go tlhaloganya se ke se tletseng. Ga se go senya melao ya ga Moshe le ditlhagiso tsa baporofiti. Nnyaa ke tletse go di tlhomamisa le gore di diragale jaaka go boletswe.

18“Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ka re: molao mongwe le mongwe o o mo Lokwalong o tlaa tswelela pele go fitlhelela maikaelelo a one a diragala. 19Jalo he, fa mongwe a tlola molao o mmotlanyana, a ba a ruta ba bangwe go dira jalo, o tlaa nna mmotlana mo Bogosing jwa Legodimo. Mme ba ba rutang melao ya Modimo ba e reetsa ba tlaa nna batona mo Bogosing jwa Legodimo.

20“Mme ke a lo tlhagisa ga lo ka ke lwa tsena mo Bogosing jwa Legodimo fa e se tshiamo ya lona e feta ya Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba Bajuda.

Polao

21“Mo melaong ya ga Moshe e ne e le gore, ‘Fa o bolaya motho, o tshwanetse wa swa le wena.’ 22Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo.

23“Mme ke gone fa o eme fa pele ga sebeso (aletara) mo Tempeleng, o ntshetsa Modimo setlhabelo, mme ka tshoganetso o bo o gakologelwa gore wa ga eno o na le sekgopi nao, 24Tlogela setlhabelo sa gago gone foo fa pele ga sebeso (aletara) go ikopa maitshwarelo o bo o letlane nae. 25Akofa outlwane le mmaba wa gago nako e ise e tsamaye thata e se re kgotsa a go gogele kwa tshekong, o bo o latlhelwa mo tlung ya kgolegelo. 26Gonne o tlaa nna moo go fitlhelela o bo o duela ledinyana la bofelo.

Boaka

27“Melao ya ga Moshe e ne e re, ‘O seka wa dira boaka’. 28Mme ka re: Le fa e le mang yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.

29“Mme fa leitlho la gago, le fa e ka ne e le leitlho le le itekanetseng le tsosolosa keletso, le gonye o le latlhe. Go botoka gore tokololo e e go leofisang e senngwe go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo moleting wa molelo. 30Mme fa seatla sa gago le fa e le sa moja se go leofisa, se kgaole o se latlhe. Gonne go botoka go se kgaola go na le go iphitlhela o le mo moleting ka ntlha ya sone.

31“Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa mongwe a batla go kgaogana le mosadi wa gagwe, o ka mo tlhala fela ka go mo neela lokwalo lwa tlhalo’. 32Mme nna ka re monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dirisa boaka. Mme yo o mo nyalang le ene o dira boaka.

Maikano

33“Gape molao wa ga Moshe wa re, ‘Ga o a tshwanela go dirolola maikano a gago le Modimo, o tshwanetse go a diragatsa otlhe.’

34“Mme ka re: o se ka wa dira maikano ape! Lefa e le go ikana ka ‘Magodimo!’ Ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka magodimo ke setulo sa Bogosi jwa Modimo. 35Gape fa o ikana ka ‘Lefatshe’ ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka gore lefatshe ke sebeo sa dinao tsa one. Gape o se ka wa ikana ka Jerusalema ka gore Jerusalema ke motse-mogolo wa Kgosi e kgolo.

36“Gape o se ka wa ikana ka ‘phogwana’! Ka gore ga o kake wa fetola thiri nngwe go nna tshweu kgotsa ntsho. 37Mme go bua ga lona e nne Ee, ke tlaa, kgotsa Nnyaa ga nkake, lefoko la lona le lekanye. Tiisa tsholofetso ya gago ka go ikana, go supa gore sengwe ga se a siama.

38“Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa motho a gonya leitlho la yo mongwe, le ene o tshwanetse go gonngwa leitlho. Fa mongwe a go itaya a go kgola leino, a leino la motho yoo le ene le kgolwe.’ 39Mme nna ka re: Se emelelaneng le bosula! Fa o phanngwa mo lerameng, retolola le lengwe. 40Fa o isiwa tshekong, o bo o tseelwa hempe, ntsha le baki ya gago. 41Fa masole a batla gore o rwale dithoto tsa bone sekgala sa mmaele e le nngwe di rwale di mmaele tse pedi. 42Naya ba ba kopang, o se ka wa hularela yo o batlang go adima mo go wena.

Go rata baba

43“Go na le puo e e reng, ‘Rata ditsala tsa gago mme o ile baba ba gago.’ 44Mme nna ka re: ‘Rata baba ba gago! Rapelela ba ba go bogisang!’

45“Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.

46“Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo. 47Fa o siametse ditsala tsa gago fela, o farologanye jang le batho ba bangwe? Le baheitane tota ba dira fela jalo. 48Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.
Copyright information for TsnLEF